Dintlha Tse Tlhano Tsa Botlhokwa
Tsa Dijo Tse Di Bolokesegileng
Nna o le phepa
Tlhapa mabogo pele o ka tshwara dijo, mme gantsi pele di baakangwa.
Tlhapa diatla fa o tswa kwa ntlwaneng ya boithusetso.
Tlhatswa le go phepafatsa mafelo otlhe le didiriswa tse di dirisetswang go baakanyetsa dijo.
Sireletsa mafelo a boapelo le dijo kgatlhanong le ditshenekegi, ditshedi tse di kgotlhelang le diphologolo tse dingwe.
Le fa ditshenekegi tse dintsinyana di sa bake malwetse, ditshenekegi tse di kotsi di fitlhelwa ka bontsi mo mmung, mo metsing, mo diphologolong le mo bathong. Ditshenekegi tse di fitlhelwa mo mabogong, masela a go iphimola le didiriswa, segolo thata diboroto tse go kgabetlelelwang mo go tsona, mme kamano e nnye fela e ka di fetisetsa kwa dijong, mme tsa baka malwetse a a fitlhelwang mo dijong.
Kgaoganya tse tala le tse di apeilweng
Kgaoganya nama e tala, nama ya koko le dijo tsa lewatle go tswa mo dijong tse dingwe.
Dirisetsa didiriswa le dijana tse di farologaneng jaaka dithipa le diboroto tsa go kgabetlelela go baakanya dijo tse tala
Tshola dijo mo metemeng go tila kamano magareng ga dijo tse tala le tse di baakantsweng.
Dijo tse tala, segolo thata nama, nama ya koko le dijo tsa lewatle, le matute a tsona, di ka nna le ditshenekegi tse di kotsi tse di ka di fetisetsang kwa dijong tse dingwe ka nako ya fa di baakanngwa le fa di bewa.
Apaya sentle
Apaya dijo sentle, segolo thata nama, nama ya koko, mae le dijo tsa lewatle.
Bedisa dijo tse di jaaka disopo le setšhuu go netefatsa gore di fitlheletse
ºC. Tebang le nama le nama ya koko, netefatsa gore matute a bonala sentle, ga a pinki.
Futhumatsa dijo tse di apeilweng sentle.
Go apaya ka tshwanelo go bolaya ditshenekegi tsotlhe tse di kotsi. Dipatlisiso di supile gore go fitlhelela thempereitšhara ya 70ºC go ka thusa go netefatsa gore di siametse go ka jewa. Dijo tse di batlang tlhokomelo e e kgethegileng di akareetsa nama e e siitsweng, mmeswa o o pitokolositsweng, mangenana a magolo a nama le koko yotlhe e e feletseng.
Karolo e e kotsi
Se tshole dijo tse di apeilweng mo thempereitšhareng ya kamore go feta diura tse 2.
Tsenya dijo tsotlhe tse di apeilweng le tse di senyegang mo setsidifatsing ka bonako (bogolo kwa tlase ga 5ºC )
Tshola dijo tse di apeilweng di fisa that (go feta 60ºC) pele di tsholwa
O se ka wa tshola dijo sebaka se se leele, tota le fa e le mo setsidifatsing.
O se ka wa ntsha serame mo dijong tse di tsidifaditsweng mo thempereitšhareng ya kamore.
Ditshenekegi di kgona go ntsifala (go ikatisa) ka bonako fa dijo di beilwe mo thempereitšhareng ya kamore. Ka go tshegetsa dithempereitšhara di le kwa tlase ga 5ºC kgotsa kwa godimo ga 60ºC, go gola ga ditshenekegi go a fokotsega kgotsa go a khutla. Ditshenekegi tse dingwe tse di kotsi di ntse di gola ka fa tlase ga 5ºC.
Dirisa metsi a a bolokesegileng kgotsa a phepafatse
Tlhopha dijo tse di foreše le tse di itekanetseng.
Tlhopha dijo tse di baakanyeditsweng pabalesego, jaaka mašwi a a pasetirisitsweng
Tlhatswa maungo le merogo, segolo thata fa e jewa e le metala
Se je dijo fa letlha la tsona la go jewa le fetile
Dilo tse tala, go akaretsa metsi le aese, di ka tswa di kgotletswe ke ditshenekegi le dikhemikhale tse di kotsi. Dikhemikhale tse di nang le botlhole di ka tlhamega mo dijong tse di senyegileng le tse di utileng. Kelotlhoko mo tlhophong ya dijo tse tala le dikgato tse di bonolo jaaka go di tlhatswa le go di ebola go ka fokotsa kotsi.
Pabalesego ya dijo
Mokgatlho wa Boitekanelo wa Lefatshe Kitso = Thibelo
